Ka kakaretso motho yo o kwadileng, yo o gatisitseng, yo o dirileng,yo a takileng,yo a tshwantshitseng, yo o dirileng filimi kgotsa yo o gatisitseng tiro, ke ena mong wa tiro eo.
Ka dinako dingwe, fa motho a kopilwe mme a duetswe gore a dire tiro e ngwe, tetlokhophi ke ya mothapi.
Go ditiro di le dintsi, (kwa ntle ga difilimi) ga go kgonagale go dira kopo ya tetlokhophi ka go nne e setse e le teng
Tetlhokhophi e dirwa ka go tsenya mafoko “tetlokhophi” kgotsa “tetlokhophi e sekegilwe” kgotsa “tetlokhophi Smith 2002” ( se se raya gore e tla nna tetlokhophi e e latelwang ke leina le ngwaga), kgotsa letshwao la tetlokhophi, leina le ngwaga sekao @Meati 2009.
O ka bona tshireletso ya tetlokhophi mo Afrika Borwa fa o le mo- Afrika Borwa kgotsa fa tiro ya gago e rebotswe mo Afrika Borwa. Fa o se Mo-Afrika Borwa, o ka bona tshireletso ya tetlokhophi fa e le gore naga ya gago ke karolo ya Berne Convention. Berne Cionvention ke tumalano ya boditšhabatšhaba ka ga tetlokhophi eo mo go yona dinaga tsa ditokololo di neelanang tshiretso ya tetlokhophi.
Ditetlokhophi tsa difilimi/divideo tseo di dirisetswang mabaka a kgwebo di tshwanetse go kopiwa semmuso ka tiriso ya ditokomane tse di latelang, tseo di ka bonwang kwa Kantorong ya Tetlokhophi ntle le tuelo:
Foromo RF1, e e goroswang ka sebedi
Foromo RF2, e e goroswang ka sebedi
Foromo RF3, e e goroswang ka sebedi
Foromo RF9 mmogo "Polelo ya Kgetse"
Lekwalo la Maatla a Mmueledi fa go diriswa mmueledi